Gomotsega

We console, comfort, heal and motivate broken souls. Lighting the dark soul with hope!

15/08/2023

O sotlegile mo botshelong, mo o ipotsang gore ga twe go senyegile fa kae. O ilwa ke batho, o kgobotletswa ke batho ka mafoko. Dilo tsa gago ga di tsamaye sentle, tsotlhe fela.

Fa o re o a itebelela, o motho yoo siameng, mme batho bone ba go bona o le bosula, e bile bangwe ba go bitsa moloi.

Ga gona ope yoo kgathalang ka wena, mo e bile o latlhegetsweng ke tshepo.

Fa o iphitlhela o le mo seemong se, itse gore go na le mathata botshelong jwa gago, go ka tswa go na le phutsho (curse) nngwe, gore ke ya mohuta mang, o ka se tlhaloganye. Yoo tlhaloganyang tsotlhe tse di sa itsiweng ke Modimo, mo ikatumetse,o mo rolelele mathata a gago, o tlaa go reetsa, a bo a go apola sefifi se se go apereng. O tlaa bona tsotlhe di siama ka wena.

02/08/2023

Sengwe sa dilo tse di botlhokwa go di feta tsotlhe mo botshelong gone jaana, ke go itshwarelela ka sefapaano sa Morena.

Diemo tse di diragalang mo nako eno, di tlhokana le gore o bo o na le seikokotlelo fa go le thata.

Ga go a lekana go gomodiwa ke motho wa nama le madi hela, o tlhokana le go buisana le Modimo ka sebele.

Fa go le thata, rara o ba goge, go nne tsela e ba e tsamayang e thata๐Ÿ™๐Ÿ™๐Ÿ™

23/07/2023

Modimo o dira sengwe se sesha ka wena. Ipotse gore a mme go a tshwanela go lelela se se fetileng. Se go latlhegetse gore o amogele se se botoka.

Iphe maatla ka mafoko a "Ga go ise go fele ka wena, go fitlhela mowa o Modimo a go o adimileng a o tsaya๐Ÿ™๐Ÿ™"

21/07/2023

Kana nako tse dingwe, Modimo o kgona go go fitlha mo babeng ba gago ka go go letlelela go nna le dikgwetlho.

O kgona go fetsa sekolo, a boa tsaya nako gore a go segofatse ka tiro. Mme ene a itse gore ya gago e tlile go go tlhatlhosa go feta ba ba theogetseng pele ga gago.

O kgona go rapelela lenyalo a bo a diega ka lone, gore o tle o kopane le monna yoo go ratang thata.

O kgona go diega go go segofatsa ka ntlo gore e re o emeletsa mansion, baba ba gago ba sale ba maketse, ka ba ne ba go tlhobogile gore o ka aga.

Modimo o ne a fitlha tautona Nelson Mandela, mo toronkong, dingwaga di ka nna bo 30, ka nako ya batho ba bolaiwa bo setlhogo, ke merafe mengwe ko lefatsheng la ga bone. A raya gore a mmolokele go tla go golola chaba ya Afrika Borwa mo pusong ya kgatelelo. Le gompieno re santse re bala dingwaga tsa matsalo a gagwe, le ntswa a ithobaletse. Go supa gore e nnile mogaka morago ga dikgwetlho.

Seemo se o mo go sone, se na le lebaka. Ka nako e Modimo a tlhagelelang mo go sone, o tlile go tlotlomala, o apara korone ya katlego๐Ÿ™๐Ÿ™

19/07/2023

Fa go na le sebopiwa se se imetsweng mo botshelong ke maikutlo mo dinakong tse re tshelang mo go tsone, ke sika loo motho.

E le ruri Corona, e ne re tlodisetsa mo legatong le le botlhoko la botshelo.

Ga gona motho yoo sa leleng, fa e se lenyalo, ke letlhoko la tiro kana o kgonkgontshiwa ko tirong, botsogo go di sukiri, kankere,high blood, fibroids, go gontsi ntsi.

Bana le bagolo ba ja ditagi, gatwe katse, ba re ba leka go itebatsa mathata, kante ba a gakatsa. Go dipolaano tse di gogomosang pelo.

Modimo, re utlwele botlhoko, chaba ya gago ya nyelela๐Ÿ™๐Ÿ™๐Ÿ™

15/06/2023

Fa o le mo nakong tse di thata, mmaba o tlaa bereka overtime mo dikaknyong tsa gago a leka go go tsietsa gore o akanye gore mathata a gago a matona thata. A go raya a re ga o kilta o tswa mo dikolotng tse o mo go tsone. A go raya a re bana ba gago ga ba kitla ba fetoga, ga kilta ba go reetsa.

O a itse gore fa a ka go tsietsa ka dikakanyo, ke gone jaaka a ka go kgona gore a senyeke botshelo jwa gago. Ntwa e tona e diragala mo dikakanyong, ka gore botshelo bo mo moweng.

Gona le gore o kgatlhise dikakanyo tse e seng tsone, tse di dirang gore o nne bokoa mo moweng, simolola go akanya dikakanyo tse dinang le maatla a botshelo.

O re "Ee, ke a bona gore mathata a me a mphitile, mme ke dikaganyeditswe ke maatla a Modimo, go lwantshantsha le diemo tsotlhe tse di ntikileng. Se Modimo a se simolotseng mo botshelong jwa me,o tlaa se feleletsa. Seemo se ga se a tla go nnela ruri, se tlaa feta."

Ganetsana le seemo sa gago sa gompieno, o tlaa bona maatla a a se tlhotleletsang a tlhotlhorega.

07/06/2023

Bo mo go efe paka gompieno botshelo jwa gago?

Fela jaaka dipaka tsa ngwaga, botshelo jwa gago bo ka tswa bo le mo marigeng, sengwe le sengwe se gatsetse, go maruru, go wa dikgapetlana, ga go lomagane. Fa o re o tshwara se, se a tashwamoga, go phatlakana.

O re o leba itsholelo ya gago, madi ga a yo, ko tirong o sale o kotama setilo, ga go na nko e tswang lemina ga ba go tlhatlose maemo, mme o bereka ka natla. O sale o romela ikopelo tiro, le phetolo ga ba e romele. Ko lwapeng, ga go monate, tsa marato, ke keledi fela, bana le bone ga ba na tsebe.

O seka wa latlhegelwa ke tshepo, paka ee tlaa feta, Modimo o tlaa go tsenya mo go ee bothito. Malatsi aa botoka a fa pele fa le. Ipaakanye, go nne le fa gare ga dikeledi tseo, go tlaa nna le boitumelo.

Ka sejatlhapi ba re ''Trust in God's timing and plan''

30/05/2023

Ga gona mathata aa ka go farafarang, go sena sepe se se molemo morago ga one. Le fa a ka go imela jang, ko bofelong, o tlile go bona gore matsubutsubu a a ne a go phepafaletsa tsela ya go ya ko phunyeletsong ya gago.

29/05/2023

Mongwe golo gongwe o a go lwela, le dintwa tse o sa di itseng, ke Modimo. O bona le tse o sa di boneng. O go sireleditse mme wena o sa itse. Marumo a mangwe o a thiba o sa itse gore a kabo a go bolaile.

Nako tse dingwe, mo leboge fela, le fa o sa itse gore o mo lebogela eng.

26/05/2023

Nako eo iphitlhelang o le nosi ke yone nako ee siametseng gore o ikutlwe fa o akanya. Modumo o montsi wa batho nako tse dingwe,o ka go tsenya tlhakatlhano ya dikakanyo.

E re o le nosi jalo, o laletse Modimo, o mo sebetse ka matshwenyego a gago, o tlaa go araba.

12/04/2023

Sengwe se sesha se a diragala mo botshelong jwa gago. Gore o dumele seo, ke gore o bone ka dikgwetlho tse o di raletseng. Ga se tsa tlwaelesego, di gamola matute a pelo, di go tlama gore o rapele go feta ga malatsi otlhe, le o ne o sa itse thapelo.

Lela o na le tsholofelo, fa di feta dikgwetlho tse, tshegofatso ya gago e tla bo e goroga.

Gauta e feta mo molelong pele, gore e lakasele.

07/03/2023

Kana fa o batla go bona bogolo jwa Modimo, ke fa go tlaa bo go tlhakatlhakane, go tobekane,go le maragaraga le ntshenatshe ya mathata.

O re o leba ka fa, e le keledi fela, kgantele le tsone di kgale o setse o lapile. E re fa o itebetse teng a tseye taolo Modimo a didimatse matsubutsubu a diphefo, a go arabe, a go buelele, a go busetse tse di go latlhegetseng, a go imolole morwalo.

O mo tshepe,ke Modimo, o rata fa go tlhakatllhakaneng,gore a ikgalaletse. Ga gona sepe se se mo palelang. Le seemo sa gago o ka se fetola fa o dumela.

28/02/2023

Re tsoga re na le tsholofelo. Fa go letse go sa siama,go na le kgonagalo ya gore gompieno go siame.

O seka wa itlhoboga, nako eo itlhobogang, gantsi ke yone nako eo arabiwang ka yone.

Nna o bereke ka thata, le fa moeteledipele wa gago a sa go bone,nako ya promotion ya gago fa e tla ga gona ope yoo ka e kganelang.

Tswelela ka go isa di application tseo tsa go batla tiro, nngwe mo go tsone e tlaa arabiwa.

Nna o ipapatse fela ka kgwebo eo, o tlaa bona bareki ba tlhwatlhwa letsatsi lengwe.

Mashetla a katlego ke tsholofelo le go bereka ka thata.

27/02/2023

Kana gompieno ga ba go bone ka sepe, ka ga gona sepe se se jegang mo go wena.

Gore o tle o ba bone sentle gore ga se batho ba sepe, ebile ga se gore ba a go rata, ke fa o latlhegetswe ke tiro, kgwebo e ole, o sena boroko, o sa ba rekele dino le dijo.

Fa o ba leletsa ga ba arabe megala,ba setse ba itse gore o a bo o batla go adima madi ka ba itse gore o mo dikolotong e bile o bolawa ke tlala.

O ba bonele ruri gompieno, e tle e re kamoso go siama ka wena o bo o ba tlhalefile.

A go siame tlhe le wena o tle o nne le seriti, o emise go itsiwe ka go kopa. Nna o letile o tshepile,o tlaa siamelwa.

23/02/2023

Fa o iteba mo seiponeng, o bona gore sefatlhego se ga se sa gago, e kare ga se wena, o bona motho hela yoo maswe. Ga se go kgatlhe gotlhelele. O bopame, dilwana di a repa. O pakogile, le ditlolo di gana go kokomela letlalo.

Motho yo o mmonang yo ga se ene, wena o fitlhegile, o fetotswe ke diemo. o pakotswe ke mathata a botshelo.

O itseye senepe fela o ntse jaana. Nako nngwe o tla bo o se bapisa le sa go fetogile, o tlhatswegile.

Nako e etla, nako e o tlaa rethefadiwang, o tsokodiwa, o bo o phatsima jaaka teemane.

O tlile go bona boikhutso kana, a waitse tota? O tlile go ikutlwa le wena o gata o gatoga, o sa tsewe ke phefo.

16/02/2023

Go na le botshelo morago ga go latlhegelwa ke tiro kana kgwebo.

Go na le botshelo morago ga go latlhegelwa ke motho yoo mo ratang thata.

Iphe nako ya go lela, mme morago o supologe, o boe o tshele gape. Go tlaa nna pharologanyo mme o amogele gore ga go kake ga tshwana le pele.

14/02/2023

A re o kae gompieno a sa bue sepe jaana?

Ke lela le botlhe ba le neng le solofetse dimpho kana melaetsa mo bakapelong.

Go a diragala gore o itsholofetse go le go ntsi, mme ko morago o salelwe ke ditshwabisego.

Tswaya mo go beeng ditsholofelo tsa gago mo mothong.

Tsamaya o ye go ithekela Chocolate ya PS, ke dumela di santse di le teng, tsa bo I love myself, o boost morale. Bo a sa bo ya pele ngwana-mme.

14/02/2023

Ke go eleletsa letsatsi le le ntle gompieno. Itse gore go na le motho yoo go ratang a sa go itse, e leng Gomotsega. Ke sone se a go neelang melaetsa ya kgothatso malatsi otlhe.

Se ikimetse merwalo epe gompieno, tlhola o iphile lerato ngwana-mme.

13/02/2023

Ke ga kae letswalo la gago le go bolelela gore sengwe ga se a go siamela kana tshwetso eo e tsayang ga se yone, mme o bo o tswelela fela o sa le reetse?

Letswalo la gago le reetsa Modimo botoka go na le wena.

Gantsi le a go tsibosa mme wena o bo o sa ele tlhoko.

Simolola go ithuta go reetsa letswalo la gago, le utllwa Modimo botoka go na le wena.

Nako e chaile ya go hopholetsa fela mo phefong.

10/02/2023

Go na le batho ba ba go ratang, ka pelo le moya,ba go eleletsa tse dintle. Mme gape go na le ba e le gore ba kgona go itira o kare ba a go rata, ba go ikatumetsa, gore ba utlwe mananeo a botshelo jwa gago ka tlhamalalo gore ba tle ba a senyake.

Se se botlhoko ke gore, ga o kgone go bona gore ba lerato la nnete le baba ba gago ke ba fe.

Ke rapela Modimo gore a senole dinokwane le dira tsa gago, di tswele mo mpepeneng ka mekgwa ya bone.

A a go apole lesire le le go sirileng, o ba bone, o ba lemoge, o bo o kgone go tshela le bone o le kelotlhoko.

09/02/2023

O seka wa makala o bona batho ba nyelela fa thoko ga gago, ba go phatlalela o le mo mathateng. Nako tse dingwe Modimo o dirisa nako e go bua le wena, go go baakanya, go go tlhatlosa maemo mo botshelong. Gape o dirisa nako eo go go bula matlho a tse o ntseng o sa di lemoge, gore o rutege.

Ka yone nako eo, o a bo o thatafadiwa, o nonofadiwa. Go ka lebega e kete ga a go bone, mme ene o a itse gore morago ga seemo se, o tlaa tlelwa ke phenyo.

Itse gore ga go na seemo sepe se se nnelang ruri. Tharabololo e mo tseleng ngwana-mme.

20/01/2023

Nako e re tshelang mo go yone, ga e batle o itebala. Ga se ye o tshelang fela o re Modimo wa mpona.

Thusa Modimo ka thapelo. Mme e bile o itse gore ga o kake wa baya mo thapelong ya maabane. Letsatsi lengwe le lengwe le tlhokana le gore o ikatumetse Modimo gore a go sireletse.

Rona re a ikhutsa, re a itsapa fa re tshwanetse go rapela. Mme mmaba e ne ga a ikhutse, e bile o batla gone fa o itebalang teng.

Apesa botshelo jwa gago, bama ba gago, masika a gago le tsotlhe tsa gago ka maatla a Modimo, nako tsotlhe.

20/01/2023

Ga o na kgolagano le tshotlego. O tsholetswe go tla go itirela, o nna le katlego.

Ga o a tshwanela go nna lehetwa, o abetswe monna kana mosadi wa lenyalo mo ditshegofatsong tsa gago fa o tsholwa.

Ke rapela gore dikeetane, magaga, mabotlele, dinoka le dinoga, tse di funetseng, di katetse botshelo jwa gago, di kgaoge, di funologe ka leina la Morena Jeso Keresete๐Ÿ™๐Ÿ™

18/01/2023

O ele tlhoko, dikgwetlho tse di tlhatlaganang tseo, mmaba o di dirisa go sutisa tlhaloganyo ya gago mo se se botlhokwa.

Waitse gore fa a go tsunyetsa ka botlhoko, o kgobega marapo, o nna fatshe o phukga selelo, o bo o simolola go ngongorega.

Ngwaga o gakolola diabolo gore ga o tshikinyege, le fa go le botlhoko jang, o wa o sekama fela o bo o tsoga.

Kgapela lentswe la gagwe la tsietso ko morago, o tlaa bona gore se a se gakaletseng se segolo jang mo botshelong jwa gago.

16/01/2023

Fa e le gore wa re o batla maduo a a pharologanyo ngwaga o, a o ipaakanyeditse go dira dilo ka tsela ee farologanyeng ngwaga o?

Ga se ngwaga wa 2023 fela o o ka fetolang dilo, wena ke wena o dirang gore ngwaga o nne mosha, o nne pharologanyo. Fa e seng jalo 2023 e tlaa nna calendar fela.

Kgwedi e setse e wela, a mme o setse o simolotse go ala moalo wa gore o simolola fa kae?

14/01/2023

Toro ya gago ya ngwaga o, o e berekele, o seka wa kgobega marapo. Le fa diphefo di ka tsubutla jang, o itshwarelele ka sepaano sa ga Jeso. O re rara o nkgoge le fa tsela e le thata.

Magodu a ntseneletse mo ntlong ba tsaya my full office, di laptop di phone, all new school clothes tsa bana le tse dingwe.

Le fa meleko e ka direga, nna ga ke nne fa fatshe, kamoso ke a taboga ke kgaogelwa ke setlhako gore se ke se ikaeletseng ka toro ya me se tswelele.

Kgothala mama, kgothala papa! Ga re emisiwe ke dikgwetlho, re simolola ngwaga ka maikaelelo a phenyo.

12/01/2023

Ga go kgathalesege gore o tswa mo lelwapeng le le ntse jang, gore o tsene sekolo go ema fa kae. Se o ikaelelang go se dira ngwaga se tshwanetse sa a atlega. Leina la gago le le sa itseweng le tlaa tuma. Batho ba tlaa botsana gore na a re e le gore o mang, o tswa kae.

O tlaa nna talk of the office, village, town and even talk of the world. Ngwaga o Modimo o tsere tshwetso ya go go tsholetsa. Emisa go inyatsa, go iteba matsogo. Tsena mo mokgwatheng, mo maranyaneng. Kokota mo di office tse di maleba o botse ka mananeo le tse di tlhokegang.

Tsoga, emelela mo lwapeng, tswaa mo go seleng hot topics tsa Facebook morago, e dirise go ipapatsa le go bona gore ba bangwe ba kgona jang.

Phenyo ke ya gago ngwaga o. A reye ngwana-mme o tle o bone maduo ngwaga o fela.

Fa ke rile 2023 o ya go nna pharologanyo, le wena go batla o dira dilo ka tsele ee pharolaganyo.

01/01/2023

Ngwaga o mosha!

Ngwaga o e tlaa nna ngwaga oo pharologanyo.

Le wena o tlaa nna pharologanyo.

Sengwe le sengwe ka wena se tlaa nna pharologanyo; botsogo, botshelo jwa madi, ba lelwapa la gago, ko tirong, kgwebo ya gago, dithuto tsa gago, lenyalo la gago, le botsalano jwa gago le Modimo.

A re o simolole ka tsholofelo๐Ÿ™๐Ÿ™๐Ÿ™

31/12/2022

Gomotsega o kgabaganyetsa mo go 2023 a obame ka lengole. Itse gore le wena o go kopela ko go Ramasedi gore o bone lesedi la nnete, le ntlafafatse botshelo jwa gago.

Thapelo ya gagwe ke gore le wena o tsene o khubame, o neele Modimo tsotlhe tsa botshelo jwa gago.

31/12/2022

Sengwe sa dilo tse ke di itumeletseng mo ngwageng wa 2022,ke go kgoma botshelo jwa mongwe.

Le fa mafoko a kgomotso a seka a amogelwa ke botlhe, mme fela ke a itse o mongwe wa ba ba nnileng le nonofo ntateng ya kgomotso ya Gomotsega.

Tlaa re utlwe gore a mme o mongwe wa bone.

31/12/2022

Goodbye 2022!

Ngwaga,oo neng o tletse ka dikgwetlho, mme ka mautlwelo botlhoko a Modimo, re kgonne go goroga!

Bathong go ne go se bonolo, di le dintsi di diragatse.

Mme hela re ithutile go le gontsi mo go tse di diragatseng.

Re lebogela go digela 2022 re santse re lebile ka matlho๐Ÿ™๐Ÿ™

29/12/2022

Ga re tlolele ka ko go 2023 ka merwalo mo dipelong.

Ga re fetele ko ngwageng o mosha ka dikgopi tsa ngwaga o.

Ee gone go se bonolo, ba go kgopisetse, ba go sotlile, ba go buile leswe, ba go digile seriti, ba go senyeditse, ba go phamoletse, mme hela, o seka wa rwala morwalo oo gonne o dira pelo bokete.

A re fokotseng dikgopi bagaetsho, re itshwarelane le fa go se bonolo. Kana go itshwarela motho ga go reye gore o tlaa tswelela o kgatlhisa motho yoo mo botshelong jwa gago. Go a bo go ikgolola wena.

Go tshwara sekgopi ke teronko ya pelo, ga o heme fa o bona motho wa teng, wa hupela fa o utlwa leina la gagwe le bolelwa.

A re ba gololeng botlhe fela ba ba re foseditseng, re fe Modimo phatla mo pelong tsa rona, gore e re le fa a re tshelela masego le matlhogonolo a seka a metswa ke dikgopi tse.

28/12/2022

O kile wa bona o emetse ngwaga o mosha gore o goroge. O itshepa gore o tlile go diragatsa go utlwala. Kana mashetla ao, ga a tlhokane le gore o lebelele gore o na le eng kana go eng.

Gompieno ga o tsamae o ipoka gore o ya go dira eng, mokgwa wa go phatlalatsa mananeo a gago o fele le 2022. Ka 2023, dilo di dirwa ka setu, maduo a tla bua.

2023 ga a batle modumo. O batla o ikataya sehuba o ntsha maduo.

Simolola go kanoka ka fa o tsenang mo go 2023 ka teng. Ao mo tsena le ditsala tsele tse di senang mosola mo kgolong ya gago kana jang? Ao ya go boelela diphoso tsa gago kana o ya go berekela mo go ipaakanyeng?

A ko o dire le moalo wa gore o tlabo o kokota mo dikgorong dife gore toro e e diragale.

Se emele di 1 tsa ga January 2022, se die nako ka go itseisa sedidi, simolola gone jaana ka go dira ipaakanyo.

O seka wa lebala gore Modimo o begelwa plan nngwe le nngwe. Kgaoganya dingwaga o mo tsentse mo lenaneong la gago.

27/12/2022

Le fa ngwaga wa 2022 o ne o le bokete, o seka wa re go raya gore o paletswe. O tswa kgakala o goga ka bokete.

Dikgwetlho le meleko di go supegetsa gore o gaufi le phunyeletso ya gago.

Fa diteko di nna botlhoko thata, o itse gore le phunyeletso ke e kgolo.

Ema pele!

Yoo tshelang mo go wena, a le mogolo go tsotlhe o tlaa go thusa.

O seka wa boifa.

O seka wa tshwenyega.

O seka wa ineela.

O tlaa nna mofenyi mo ngwageng wa 2023!

25/12/2022

Tlhola o na le letsatsi le le monate la Keresemose. Letsatsi la matsalo a Mmoloki wa rona.

Tlhola o iphile lerato wena le ba lelwapa la gago.

Fa e ne e le nako tsele, podi e ka bo e tlhabilwe, dipitsa di simolola go sha marago, lenko la rice le bitsa mofeti ka tsela.

Ba tlhabele koko ya setswana mothers, o tswe mo go tse dintsi. Se se botlhokwa ka letsatsi le ke go neelana lerato.

Le fa o sa kgona go rekela bana diaparo, ba tlhapise o tlhope tse di botoka o ba apese, boasa bo ya pele.

Merry Christmas, Gomotsega Family๐ŸŽŠ๐ŸŽ‰๐ŸŽ๐ŸŽ„โ›„

24/12/2022

A o itlhokometse ko o leng teng gompieno?

Dilo di le dintsi di a diragala ka nako ya boitumelo.

Mmudubudu wa batho, madi, kana go kopana le batho ba o nang le lebaka o sa ba bone, di kgona go dira gore o itebale gore o mang ebile go ka diragalang eng fa o leng teng.

Ikgakologelwe motho wetsho, iphe lerato, e seka ya re batho ba bowa ko malatsing a boitapoloso wena o bo lela selelo sa khuranyo ya meno.

O ba bone bo meno masweu, ke yone nako e ba theogelang thata ka yone e.

Se lebale go kopa Modimo gore a go sireletse wena le ba lelwapa la gago mo malatsing a keresemose.

20/12/2022

A setse a le mmalwa fela malatsi gore ngwaga o fele.

Se tshwenyege thata ka tse o neng o ikaeletse go di dira go bo go palega.

Dikakanyo le dikeletso tsa rona ga di tshwane le se Modimo ene a se rulaganyang mo matshelong a rona ngwaga o simolola le o fela.

Lebogela selo se le sengwe gore wena, o santse o bone botshelo fa ba bangwe le go bona ngwaga o fela ba sa tle go o bona.

Go itsa go ikgatelela mo maikutlong, amogela se Modimo a se go neetseng ngwaga o.

Se o sa se kgonang, o santse o ka se kgona ngwaga oo latelang, fa o santse o adimilwe malatsi mo lefatsheng

04/12/2022

Go na le mongwe, yoo go thusang go tswa mo seemong se o mo go sone, mme a sa go itse.

Gomotsega o tlhotse a go rapeletse,a go kopela lesedi mo Modimong gore le sutise lefifi le le go apereng, gore le wena o phatsimelwe ke kgalalelo ya masego le matlhogonolo.

02/12/2022

Tlhabelwa ke letsatsi le le molemo, o bone boikhutso pelong ya gago.

A metlholo e diragale, o bone thuso ya se o se batlang gompieno.

01/12/2022

Kana o kgona go tshela ka pitlagano mo moweng, ntateng ya gore o tshwere sephiri se se bokete. Se go imela, se go hupetsa mme o tshaba go thuba sekaku.

Fa o sa ele tlhoko le ko motseng wa tidimalo se ka go gorosa teng pele ga nako.

Batho ba kgona go bona o tlhotlhorega hela, ba akanya gore o lwala mmele, kante go lwala mowa.

Kana mme fa o ka se phatlakanya, o tlile go bona phefo e tsena mo pelong.

Bogolo se buisane le yo o itseng masaikategang a rona rotlhe, o mo kope maitshwarelo, o kope le gore a go thuse gore o ikgolole jang mo go sone.

Want your public figure to be the top-listed Public Figure in Gaborone?
Click here to claim your Sponsored Listing.

Telephone

Website

Address


Gaborone
Gaborone
0000
Other Motivational Speakers in Gaborone (show all)
Glowth By Natasha D. Morwe Glowth By Natasha D. Morwe
Gaborone

A self improvement and self awareness journey aimed at improving the socioeconomic and psychosocial s

Boago Moalosi BW Boago Moalosi BW
Goodhope
Gaborone

I'm against ALL evil spirits and encourages success, unity and to stand up for oneself

Kenny Koronale Kenny Koronale
Gaborone

Lyian Ackim Delazy Lyian Ackim Delazy
Gaborone

Motivational speaker

Voice Notes BW Voice Notes BW
Gaborone

- You are more than Enough - You are Stronger than You think - Don't Look Down But Look Up - Don't listen to Lies, - You are Complete!

UpFluential BW UpFluential BW
Gaborone

igniting the soul

Lesedi Mosimane Lesedi Mosimane
Gaborone
Gaborone

Malawi /Nyasaland and her Daily News Malawi /Nyasaland and her Daily News
Molepolole Box563
Gaborone

Kod Ku Malawi Tivotaso?

Dr Gotsileng - Seed of Greatness Service Dr Gotsileng - Seed of Greatness Service
Maun
Gaborone

the purpose of this page is to have motivational talk, personal development program, to have youth empowerment mentorship program.

Samuel Samuel
P. O Box 3531
Gaborone

Pursuing, Proclaiming and Publishing The Revelation of the Word of God. Founding Samuel.

Lawretta O. Orih Lawretta O. Orih
Gaborone

Woman' you are the Pillar Is a book written to encourage/sensitize women on the need to implement th

Osman Grander Hugs Osman Grander Hugs
Gaborone

Hie my name is Osman Grander Hugs thee motivational speaker, ready to pass the reins to you and show